Batlhaping Ba Ga Molehe - BANTSEJANG

 CLAN NAME : BATLHAPING - BAGA MOLEHE, BAGA MMADITLHONG - BA MOSADI OILENG A BOLAYA TLHWARE BANNA BAETSHABILE - WA KHIBA EMAKGANTSETSE

LOCATION: NORTH WEST(MADIBOGO)









Post a Comment

1 Comments

  1. Realeboga Motlhaping... go go ntle, re bana ba mpa...
    ele Bantsijang kgotsa Bantsejang...

    Bantsijang! Motlhaping wa Molehe - Modiboa
    (Leboko ka Matthews Mooketsane Bantsijang)

    Bantsijang weee, Bantsijang weee, Motlhaping oo Molefe
    Molefe oo Phuduhudu le Phuduhutswana, oo Tau ko lowe
    Morolong, mmina Tholo a ja Tlhapi, magana go buswa, ka le ene ele Kgosi!

    Ke molelo o Mpete kokobolo Tlhapi kgole e ntsho e e sa tshwarweng ke monna a sa bofa lotheka la borokgwe
    Ke senkga phoka ngola la pula
    Tlhware ya go bolawa ke mosadi banna ba e tshaba
    Seila Ntša le motho
    Selatswa ke kgomo le phologolo tsa metsi

    Mosadi fa ale ratla la Tlou ga a ralale motlhape wa kgomo tsa ga rraagwe ebile ga a ore matlhaku a saka la gaabo.
    O irileng Mokwepa o bolaile kgomo tsa Batlhaping a tsoga ka makuku a naka tsa kgomo a apaya mogetlo mme a o rwala ka tlhogo a ya kwa dikgomo di swetseng teng, mme yare e a mo loma ya wela mo mogetlong
    A kua mokgosi banna ba tla ba taboga
    Ba fitlhela a ipofile lotheka ka yone, are ga ke mosetsana ke mosadi ngwetsi ya Batlhaping.
    Bare ba mo neela bogosi a bo gana are o tshaba boloi.

    ReplyDelete