Barolong ba ne ba huduga kwa Khunwana

Morago ga tlhaselo ya Matebele, Barolong ba ne ba huduga kwa Khunwana, mme dikgosi tsa bone tsa romela molaetsa kwa go Kgosi Mahura go kopa bonno jwa nakwana le Batlhaping kwa Taung.
E rile mo tseleng, ba kopana le monnawe Mahura (Kanakamorwa), mme a leka go ba tseela leruo. Tlala (morwa' Tawana) a bolawa mo tlhaselong eo. Moshwi o ne a tlogela mosadi (Nkhabele) le bana ba bararo (Moutlwatsi, Setlogelo, le Tshipinare), le ha Setlogelo tota a ne a gapilwe ke Mzilikazi ka nako eo.
Barolong ba, e ne e le boo-Tshidi, boo-Ratlou, le bontlhabongwe jwa ba ga Sehuba. Ba ne ba le ha tlase ga ketapele ya ga Kgosi Tawana le Kgosi Gontse.
Bangwe ba bana ba ga Gontse ba ba neng ba na le ene mo tseleng eo, e ne e le Shope, Phoi, Mmutla, Masisi le Moswete. Letsapa le Leepo bone, e ne e le baeletsi (Advisers) ba Kgosi.
E rile go heta ga morahe kwa Morokweng, bangwe ba Barolong boo-Ratlou ba sala gone, mme bontsi jwa sala Kgosi Gontse morago go ya ntlheng ya Motlhaa-wa-pitse (Warrenton).
Kwa Motlhaa-wa-pitse, Kgosi Moroka II o ne a amogela setlhopa se sa Barolong- ba ka nna dikete tse nne (4 000)- ka pelo e e phutulogileng.
Post a Comment
0 Comments