Bahurutshe


Leboko la Bahurutshe (tottem)





Mmamokgatiti wa lewa
Tshwene ke naiwa mmele
Makopong ga ke naiwe
Ke sirelediwa ke seriba.
Tshwene fa di ya masimo
Go eta tshwenegadi pele
Rotwe a sale kwa morago
A sale a di retolola.
Ke ne ke fudile ka tlatsa
Ka kgopiwa ka relela ka
wa
Papalo tsa ya le maritse
Matlapa ‘etsho a borethe





Tseo, ke tshwene tsa ga
Malope-a-Masilo
Ba ga. Sebogodi-aMenwe-a-Moilwa
Bana ba ntswe la Tswenyane









BAHURUTSHE Go ya ka hisetori le bakwadi ba bangwe Merafe ya Batswana e tswa mo Bahurutsheng mme kganetsano ke gore fa merafe ya Batswana e tsamaya e kgaogana Bahurutshe le bona e ne ele karolo ya kgaogano fela jaaka maphata a mangwe. Bahurutshe le Barolong ke bangwe ba Merafe e metona ya Batswana.





Fa Batswana ba fitlha mo borwa ba Aforika ba ne bantse batsamaya ba kgaogana ka ntlha ya dintwa, go lwelwa bogosi, gantsi e ne ele magareng ga bana ba mpa. Magareng ga ngwaga ya 1400 le 1500, morago ga loso la ga kgosi Malope, morwaadiagwe e bong Mohurutshe wa ntlo e tona o ne a tshwanetse go tsena mo bogosing. Batho bangwe bane ba rata gore morwarraagwe Kwena wa ntlo e nnye e nne ena kgosi. Ntwa e ne ele gore a Ngwana wa ntlo e tona le fa e le morwadi e nne ena kgosi gongwe bogosi e nne jwa Morwa le fa ele wa ntlo ya bobedi.





Se sene sa tlhola ntwa le kgaogano. Mohurutshe o ne a pateletsega go tswa kwa Mabjanamatshwana a tsamaela ntlheng ya borwa le balatedi ba gagwe. Setlhopha se sengwe se ne sa sala Kwena Morago mme ba itsege jaaka Bakwena. Morago ga gore a ikele Badimong, barwa ba gagwe ba babedi Motebele le Motebejane ba fudugela le morafe kwa bokone bophirima jwa lefelo le itsegeng jaanong jaaka Witwatersrand.


Post a Comment

0 Comments